Who is wenbro?

Mokgele wa Wenbro

Mokgele wa rona ke gore leina le letshwaokgwebo la rona di nne mo maemong a a kwa pele mabapi le didirisiwa tse di seng tlhwatlhwa godimo, tsa boleng. Gore re neye ditirelo tsa rona mo Aforika Borwa yotlhe le gore re nne batlamela ka dilo ba ba tlhomang sekao le ba ba tlhomang maemo mo intasetering yotlhe.

Boikaelelo jwa Wenbro

Boikaelelo jwa rona ke go hirisa dilo ka tsela e e ikanyegang, e e senang mathata se se rayang gore dikhasetomara tsa rona di se ka tsa nna le matshwenyego a a kalo le gore ba kgone go dirisa dirisiwa ka nako e telele mo madirelong; gore ba reka didirisiwa tse di seng tlhwatlhwakgolo, tsa boleng gammogo le gore didirisiwa tseo di tlhokomelwa sentle le go newa thuso ya botegeniki fa ba se na go di reka, tse tsotlhe e le ka baka la go dirwa ga dilo le go naya didirisiwa tse di ikanyegang, le tsa boleng jo bo kwa godimo

Mekgwa e Mentle ya Wenbro

1. Baya Khasetomara kwa Pele
2. Go Buisana ka go Opa Kgomo Lonaka, Go Tlhaloganngwa le ka Bonako
3. Bua Sengwe le Sengwe ka Botlalo Ebile o sa Fitlhe Boammaaruri Bope
4. Le ka Motlha o Seka wa Emisa go Ithuta. Le fa e le ka nako epe
5. Dira Sengwe le Sengwe ka go Nna Motlotlo
6. Dirisana le Khasetomara ya Gago, Setlhopha sa Gago, le Batlamedi ba Gago ka go ba Tlotla
7. Dira Tumalanong le Melaotheo ya Ubuntu

Read our Vision, Mission & Values in any of the official languages of South Africa

Scroll to Top